Pampiri e, e na le ditsebe di le 6.
DITAELO
Pampiri e, e arogantswe ka dikarolo di le THARO e leng A, B le C.
KAROLO YA A: Tlhamo 
KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. 
KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano/tshupetso/ tshedimosetso/pono/gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano. 
Baithuti ba tshwanetse go araba potso e le NNGWE go tswa mo karolong nngwe le nngwe.
Karolo nngwe le nngwe e simololwe mo tsebeng e ntšhwa mme kwa bokhutlong jwa karabo moithuti a thalele.
Tlogela mola mo magareng a dikarolo tsa gago.
Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang.
Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo.
Baithuti ba tla abelwa maduo a go dira lenaneo la thulaganyo, go tsereganya le go buisa tiro ya bona pele ba araba dipotso.
KAROLO YA A: TLHAMO POTSO 1
Kwala tlhamo ya boleele jwa mafoko a a ka nnang 400 - 450 ka NNGWE fela ya ditlhogo kgotsa ditshwantsho tse di neilweng. Fa o dirisa setshwantsho go kwala tlhamo, o neele setlhogo.
Leba setshwantsho se se fa tlase, mme morago o kwale tlhamo ka ga sona.
Mmampodi, MR Phure le ba bangwe 50
KGOTSA
Ka tlhagolela mookana ya re o gola wa ntlhaba. [50] KGOTSA
Go itseela molao mo matsogong ga baagi go otlhaya disenyi go siame. Dumela kgotsa o ganetse setlhogo, mme o neele mabaka a a utlwalang. [50]
KGOTSA
Fa ba ka ntlhopha go nna Moporesitente wa Aforika Borwa. [50] KGOTSA
Leba setshwantsho se se latelang, mme o tlhalose se se se tlhagisang.
Mmampodi, MR Phure le ba bangwe 50 PALOGOTLHE YA KAROLO YA A:
KAROLO YA B: DITLHANGWA TSE DILEELE TSA TIRISANO POTSO 2
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 180 - 200 (diteng fela).
Sekaseka setshwantsho se se latelang mme morago o kwalele molaodi wa Molao le Tolamo lekwalo gore go tokafadiwe melao le kotlhao ya disenyi tse di etegelang mo nageng.
KGOTSA
Go phasaladitswe tiro ya mogokgo kwa sekolong se o dirang mo go sona. Jaaka motlatsamogokgo, kwala lekwaloikitsiso le o tla le romelang gammogo le kopo ya gago ya tiro e. [30]
KGOTSA
Dikotsi tsa tsela di kgaola matshelo a bapalami le batsamayakadinao, ka ntlha ya kgweetso e e botlhaswa le nnotagi. Kwalela molaodimogolo kgotsa Tona ya Pabalesego le Tshireletso memorantamo o mo go ona o ngongoregelang se. [30]
KGOTSA
O mokwaledi wa mokgatlho wa bašwa mo tikologong ya gaeno. Kwala lenaneotema le metsotso ya kopana ya mokgatlho wa bašwa e e neng e tshwerwe fa gautshwane mabapi le petelelo e e tsentseng letsogo ya masea le bana. [30]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 30
KAROLO YA C: DITLHANGWA TSE DIKHUTSHWANE TSA TIRISANO
POTSO 3
Araba potso e le NNGWE fela mo karolong e. Karabo e nne boleele jwa mafoko a a ka nnang 100 - 120.
O nnile le malatsi a a sa jeseng diwelang ka ntsalao a ne a tseelwa mogala wa letheka (selula) le go bolawa setlhogo ke setlhotshwana sa basimane fa a ne a tswa ikatisong ya mmino wa bašwa mo tikologong ya gaeno. Kwala bukatsatsi e mo go yona o anelang ditiragalo tsa malatsi a le matlhano, go simolola Labobedi o a bolailweng ka ona go fitlha Lamatlhatso o a neng a bolokwa ka ona. [20]
KGOTSA
O modiri mo setlamong sengwe se se neelang baithuti ba Materiki dibasari. Kwalela Tlhogo ya Lefapha la Dipuo la sekolo sengwe tshedimosetso ya tsela ya go tla kwa dikantorokgolong tsa setlamo sa gago ka baithuti bangwe ba gagwe ba tlhophilwe go tla dipotsotherisanong gona. [20]
KGOTSA
O morekisi wa merogo le maungo mo kgaolong ya lona. Kwala kitsiso e e tla phatlaladiwang e mo go yona o itsiseng batho ka ga kgwebo ya gago. [20]
PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 20
PALOGOTLHE: 100
